Politicians (Maize) 									Setswana		

Letsatsi le bantshakuno ba buisaneng le boradipolotiki…



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jenny Mathews, Modulasetulo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.

3.	Photo: Mohna, Jane McPherson, Dr Willie Kotzé, Moss Malo, Monica Mpetshu-Matamba, Tom Gwala, Samuel Moloi, Elias Monaisa, William Matasane, le Moh Jenny Mathews ba ne ba tsenetse Khonferense ya Dikuno le Tlhabololo ya Balemirui ya Agri SA kwa Cape Town gautshwane.



Setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA se ne se tsenetse Khonferense ya Dikuno le Tlhabololo ya Balemirui ya Agri SA, e e neng e tshwerwe 25 le 26 Tlhakole, 2010, kwa Cape Town.



Go setse go tlhobaetsa thata mo go tlhokegang gore re tsepamise kgopolo ya boradipolotiki mo tlhobaelong ya seikonomi e e lebaneng temothuo mo Aforikaborwa gonne ga re ka ke ra tswelela go nna re jala dijalo tse di sa tliseng dipoelo – mme e bile go boammaaruri gore ga go ne go thusa tirego ya phetogo le ntšhwafatso ya thuolefatshe ka go bona tlhomo e e atlegileng ya bantshakuno ba bantšhwa mo dipolaseng tsa bona fa ba sa kgone go gola ka go bona dipoelo tsa bona go yeng kwa go nneng bantshakuno ba ba itshegeleditseng ba bogwebi ba ba kgonang! Ka jalo bantshakuno ba ile Cape Town ka tsholofelo ya go reediwa ke boradipolotiki. Ba ne ba le teng – le rona re ne re le teng!



Setlhopha sa Tlhabololo ya Balemirui sa Grain SA se ne se laleditswe go supetsa ditshwantsho le diselaete tsa tiro e ba e dirang mo nageng ka bophara mme Maize Trust e ne e etleeditse leeto la go ya Cape Town la setlhophakemedi sa bantshakuno ba ba tlhabologang ba le supa. Kemedi ya rona e ne e emetswe ke Monha Jane McPherson, Dr Willie Kotzė, Moses Malo, Monica Mpetshu-Matamba, Tom Gwala, Samuel Moloi, Elias Monaisa, William Matasane le Moh. Jenny Matthews.



Tona Tina Joemat-Peterson o ne a le sebui sa tlotlego mo letsatsing la ntlha la khonferense. Tona o amogetse sentle seabe sa mekgatlho ya dikuno mo tlhabololong ya lephata le le “fitlheletseng gore bantshakuno ba bagwebi ba tataise ka botswapelo balekane ba bona ba ba golang le go arogana bokgoni le kitso ya botlhokwa le bona.” O netefaleditse baemedi gore tlhabololo ya mafelomagae le ntšhwafatso ya thuolefatshe ke dikgaolo tsa ditlapele tsa maikemisetso a puso le gore tshireletsego ya dijo le tlholo ya ditiro ke dintlha tsa tsepamisokgopolo. O tshwaetse ka gore ntlhakabelelo ya go tlhola ditiro e tlhaelela kgakala mme se se tshwanetse go tlhokomelwa thata. Lefapha la gagwe gape le tlaa bo le tsepamisitse mogopolo mo tlhabololong ya boradipoloto le bantshakuno ba bagwebi fa ka fa go le lengwe a amogetse gore go ntse le kwelotlase ya peeletso mo lephateng, ka jalo ga jaana mmuso o rulaganya peeletso ya mafaratlhatlha mmogo le Lefapha la Dipalangwa. Gape o rile ba lemoga mathata a a tlhagelelang ka ntlha ya gore bantshakuno ba rona ba ba amogelang thuso e potlana kgotsa ba sa amogeleng thuso epe gotlhelele, ba kampane le go gaisana le bantshakuno ba bangwe ba dinaga tse di tlhabologileng ba ba amogelang diketleetso tsa puso. Mathata a a tsweletseng go tswelela a tlhaelo ya khepetlele le bothata jo bo golang jwa koketsego ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng, tse di tlhotlheletsang go dika ga masimo a mantsi, a sa lengwa a tlogetswe fela, ke mabaka otlhe a badiramaikemisetso ba a itseng mme go solofediwa kemonokeng e e oketsegileng go boradipoloto le bantshakuno ba bantšhwa.



Mo puong ya gagwe Tona o rile lefapha le ikaelela go thusa bantshakuno go efoga go jewa ka dithulaganyo tse di farologaneng tsa kemonokeng mo go bona fela o rile bantshakuno ba tlaa newa fela paka ya kutlwelobotlhoko ya dingwaga tse tharo nako eo mo go yona ba tlaa tlhokang go bontsha gore dikgwebo tsa temothuo tsa bona di mo maemong a a lolameng. Se ke sesupo se se rotloetsang sa maipofo go tswa mo mmusong fela tlhobaelo ke gore fa bantshakuno ba sa ntse ba ise ba kgone go jala dithoro dipe kgotsa dipeo tsa oli ka poelo, itshegeletso ya pakatelele ya bona e mo kotsing.



Tona o rile bontshakuno jwa temothuo bo ntse bo wela tlase ka monokela e bile Aforikaborwa o reka dikuno tsa temothuo go tswa ntle ka bontsi jo bogolo. Go ka bodiwa potso: Go reng re romela teng dikuno tse bantshakuno ba rona ba ka bong ba di jala mo mebung ya rona re dirisa ditlamelo tsa dithoro tsa rona le go tlamela ka ditšhono tsa ditiro? Thomeloteng ya nama ya kgomo, nama ya mohungwana, nama ya koko le mae e bonala e oketsega. Se se raya gore re duelela bantshakuno ba boditšhaba kuno e e tlametseng bagabona ka ditiro mme o dirisitse ditlamelo tsa bona tsa dithoro. Diromelwateng tse gape di raya gore re dirisa madi a a seatleng (cash flow) a rona ka kwa ntle ga melelwane ya rona go na le go a tshola mo teng ga naga ya rona go tswela motseletsele wa boleng jwa ditsatemothuo le go rotloetsa ikonomi ya mafelomagae.



Rre Gugile Nkwinti Tona ya Tlhabololo ya Mafelomagae le Ntšhwafatso ya Thuolefatshe, o ne a le sebuisegolo mo letsatsing la bobedi, le le neng le tsepamisitse mogopolo mo dintlheng tse di amanang le bantshakuno ba bantšhwa. O rile o dumela gore go go tshwanetseng go dirwa go sa le gontsi go netefatsa phetiso e e atlegileng ya lefatshe gape le gore bantshakuno ba bantšhwa ba ba setseng ba le mo dipolaseng ba tlhoka go newa tseotsia e e kgethegileng; mo kgaratlhong ya go bona katlego. Tona Nkwinti o amogetse gore temothuo e e rulaganeng e na le seabe sa botlhokwa thata mo tataisong le katisong ya bantshakuno ba bantšhwa. Kemedi ya Grain SA e ne ya bona tšhono ya go bua ka maparego a mantsi mo katlegong ya yona mme ba ne ba buelela bontsi fa ba ne ba bua ka tlhaelo ya phetiso ya lefatshe gonne go fa lefatshe fela ga go a lekana, mme ba rile molebo o o akaretsang mo polaseng nngwe le nngwe o tlhoka tlhabololo le kemonokeng mo pakeng e e atolositsweng. Sekgoreletsi se sengwe ke dipolase tsa ditlhopha/morafe, tseo gantsi go feleletsang e le bantshakuno ba ba mafolofolo le boineelo ba se kae ba direlang bajaboswa ba ba setseng ba e leng “bomajafela” kgotsa “boJan-eet”.



Tona o ne a itumeletse bogolo jwa tiro ya Grain SA mo go maswe mo o neng a kopa go kopana le kemedi ya teng, se se solofetsang go tlisa lefapha la gagwe mo tshwaraganong e e tiileng le setlhopha sa Grain SA mme re sa ntse re na le tsholofelo ya gore se se tlaa nna le tshusumetso e e siameng mo isagweng.

